15/09/2026
Bosele Intermediate School strongly condemns the incident in which learners and educators were threatened by a group of boys carrying weapons.
Violence, intimidation, and the possession of weapons have no place in our school or community. The safety and wellbeing of our learners and educators remain a priority.
The incident has been reported to the South African Police Service (SAPS) for further attention and investigation. We urge all learners to refrain from violence, intimidation, and any behaviour that places others at risk.
We appeal to parents, learners, educators, and the wider community to work together in maintaining a safe and respectful environment for teaching and learning.
Let us choose peace, respect, and responsibility.
/
Bosele Intermediate School e kgala thata tiragalo e mo go yone barutwana le barutabana ba neng ba tshosediwa ke setlhopha sa basimane ba tshwere dibetsa.
Pefo, matshosetsi le go tshola dibetsa ga go a tshwanela go nna teng mo sekolong kgotsa mo setšhabeng sa rona. Polokesego le boitekanelo jwa barutwana le barutabana ke tsona tse re di beileng kwa pele.
Tiragalo eno e begilwe kwa South African Police Service (SAPS) gore e sekasekwe le go tlhotlhomisiwa.
Re kgothaletsa barutwana botlhe go tila pefo, matshosetsi le maitshwaro ape a a ka bayang matshelo a batho ba bangwe mo kotsing.
Re kopa batsadi, barutwana, barutabana le setšhaba ka bophara go dira mmogo go netefatsa gore sekolo se nna lefelo le le bolokesegileng, le le nang le tlotlo le le siametseng go ruta le go ithuta.
A re tlhopheni kagiso, tlotlo le maikarabelo.
Bosele Intermediate School
Thuto Lesedi