15/07/2025
A ke mangwe a matlotlo a dikitso tsa tlholego (traditional knowledge), a reka a emelang ka dinao re le sechaba, ra a tlhabolola, go a atlisa le go a tlotlomatsa. Re ka kgona go a arogana le ditirelo di tshwana tsa merero ya kgatiso, bodiragatsi le ditshupegetso, mme ya nna sone seabe sa rona sa go somarela motlotlo a ngwao. Go dira jalo re ka atlisa serodumo sa rona re le chaba ka go e anamisa le go e amogana le dichaba tse dingwe lefatshe ka bophara. Mme segolo-bogolo, e ka nna yone pinagare ya go lere letseno la go itshetsa le go tlhabolola matshelo a rona ka jone boineelo le botswerere jo bo supegang fano. Re ka batla borotoetsi fela ka go ipopa le go ipapatsa go re pepetletsa le go bona mofago mo tshimologong ya mosepele, mme ra tsholetsa dinao le go tlhatlosa mosepele go isa bodiredi jono jwa rona kwa mankalankaleng. Seabe sa tlhabololo ya thuto le dikitso tse dingwe tse di amegang ebile di tsamaelana sone e ka nna se segolo go feta selekanyo. A re ititeyeng ka thupana Batswana betsho.