31/05/2025
MORUTABANA MOTHUPENG
Tselanyana e e ralalang leretlwa ntlheng ya ditsha tse diša e ne e setse e budusitswe ke dikoloi tsa mediro ya seša. Bontsi jwa batho ba ba neng ba abelwa lefatshe ntlheng eo e ne e le ba ba neng ba ingwaela mo dimpeng.
Matlo ba agile a e keteng motho o ka palama sepalamo go fetela kwa phaphosing e nngwe. Go ne go lebega gore nako e ntsi batho ba, ga ba nne mo g*e, ba bonala fela ka malatsi a boitapoloso le fa ba tsile ditirong tsa leg*e jaaka manyalo le dintsho. O fitlhele motho wa teng a kgabile ka baki e ntsho le digalase tse dintshontsho tse e keteng tsa moeteledipele wa lephata la tseoditlholwa. E re a ntsha mafoko ka tlhaa go somoge sejatlhapi fa gare ga diphatlha tsa meno. Motho e kete ga se ene yole yo o goletseng mo Makubuga a disa dipodi le dikgomo. Motho wa teng a tlhola a sinaletse batho e kete lekgoa le nkgetswe ke motogo wa ting.Mme kana le ko ditirong tsa leg*e go a bo go setse go tewa fela ka gore ba a bo ba bonwa teng le bone ba laetse bahiri ba re ba ya teng. Bontsi jwa bone ke dibodu tse di tlhokang fela gore di nkge.
Kwa diphitlhong o fitlhele ba le kgakajana ba eme ka digongwana digalase tsa matlho ba di pegile mo diphatleng. Motho a ikgate motlhala a ntse phepa a ise a apesiwe tlhogo ke lorole la phuphu. E re go tsenwa kwa 'lwapeng e nne ene a bokolelang go feta batho botlhe a re a fiwe sejana sa mokoto pele ga batho botlhe. Gakere e bile kana batho ba Modimo ba a bo ba letse ko digalagaleng, mmele o a bo o na le kgotlhang le bone o batla letswainyana. Tšhakala e tla a bo e lela jalo e kopolotse setilo sa mokopelo se se nnang se pegilwe ko morago ga koloi.
Monnamogolo o ne a ntse a tsamaya ka lekeke a balabala ka pelo, sebe sa phiri e le yone kokomana ya gompieno e e sa itseng gore mabogo dinku a a thebana. Koloi e tshweu ya modiro wa Ford Ranger e ne ya mo tswa ko pele, mokgweetsi wa yone go lebega a le makgabe a dipapetla. Ya mo tlogela a apesitswe ke leru le lehubidu la lorole. Ya re a santse a jele kgakge ya kgweediwa ka sammamorago e sianetse ko go ene. A akanya gore gongwe ke bo raboko ba a neng a tle a ba utlwalele gotwe ba apesitse batho kobo ka letshoba. A leka gore semenye mpone! Mme maoto a gagwe ka a ne a setse a tsenwe ke letsapa la dingwaga tse di masome a a ferang bobedi tse a neng a a dirisa mo lefatsheng, a ne a mo ganeng. A ikutlwa a buetse mo pelong a re, ‘Ke sule gompieno.’ Letlhabaphefo la koloi le ne la bulega fa thoko ga gagwe. Monnamogolo le fa pelo ya gagwe e ne e itaeela mo mafatlheng, a ipaya seatla matlhong go leka go oketsa pono ya gagwe e e neng e setse e ngotlegile ntateng ya bogodi. Ya re a re o bula molomo mokgweetsi a bo a setse a mo rakile. “Uhu! A o rre Mothupeng? Kgotsa ke a go tshwantshanya?” Monnamogolo a nyenya. “Wena monna o mang? A ga se wena Gakenasepe yo a neng a sena tsebe e bile a tshaba sekolo nako ya ke le morutabana kwa Marathathuto?” Ba ne ba tshega. Mokgweetsi a fologa, ba atlana. “O nkitse tota monnamogolo ke wena.” Mothupeng o ne a mo lemoga ka lebadinyana le le bapileng le nko, le gotweng o ne a wetse mo legaleng ba lwela motogo bogologolo a santse a phaphatha metsi ka seatla. Le fa mogote wa letsatsi o ne o ntsha kolobe mo hokong, ba ne ba sa o utlwe ntateng ya dikgang tse ba neng ba le mo go tsone. Sefatlhego sa monnamogolo go lebega se tlhapile. “O tsamaela kae ke go pege?”“Nnyaa monna, ke ne ke re ke ya ko bookelong, jaanong fa ke go bone jaana ke ikutlwa ke fodile. Nkisa ko ‘lwapeng.” Ya ba metsa Ford Ranger.
Monnamogolo a tsamaya a ntse a supa tsela. Dikgang di ile magoletsa. “Jaanong o direla kae monna.”“Ke dira ke le agente kwa komponeng ya Gakenasepe Attorneys. Ke rona ba maloba re fenya kgang ele ya monna yo go neng gotwe puso e batla go mo tseela sediba.” Mothupeng a tlola jaaka letsetse. “Uhu! Ehe monna! Kgang eo kana nkile ka rata go e utlwalela. A botsa gore Snake ene lefatshe o le gata ntlha efe?“Mothaka yoo o thapilwe ke kompone ya Debswana kwa Jwaneng go nna mongwe wa dikokobolo teng, Poison ene ke morutabana wa maranyane ko Seroposatlou.” Monnamogolo o ne a rumaruma. Ba gorogile ba sa lemoge. Monnamogolo a fologa ka dipolaseteke a di akgile ka mabogo a mabedi. Pele ga a tswala lebati la koloi a ama Gakenasepe mo legetleng ka seatla, “Monna, ke itumetse thata go bona maduo a tiro yame mo go lona. Lo nitrile motlotlo gare ga setšhaba. Ga ke tshabe go tsamaya ke ntsh*tse tlhogo fa gare ga sehuba gore ke alositse bagaka.” Ya re a santse a bua Gakenasepe a bula sekgwama sa gagwe se se neng se rurugile, a fa Mothupeng dikete tse pedi tsa dipula.
All rights reserved. No part of this story may be published, broadcasted, copied without the writer 's permission
Eugene One Kebapetse.
* * *