29/01/2026
Michelle Gaolatlhe o dirile diaba mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang tse maduo a tsone a sa tswang go gololwa. O tsere maemo a ntlha (A). Ke ene moletsi wa pele wa tlhwatlhwa wa thulaganyo ya Sekhutlwana sa Bannye mo Duma Fm moso le moso. Mo bogompienong o setse a godile o ne a letsa thata a sa ntse a tsena kwa Mophane Primary.
Re le ba Sekhutlwana sa Bannye re mo leboga fela thata le botlhe ba ba dirileng botswerere le ba ba sa kgonang go dira ka matsetseleko. Re motlotlo ka ene.
Ke kopa gore re mo lebogiseng betsho le gompieno e sa ntse le motlogolo wa Sekhutlwana sa Bannye,o ne a nteleditse a re malome ke pasitse dithuto tsa lona di berekile le sone Setswana o se tseetse A.
Ntsa go fiwa teleki betsho le bomatsosa re sa ba lebale