12/05/2023
๐๐ผ๐๐๐๐๐ฝ๐ผ๐๐๐๐- ๐๐ ๐๐พ๐๐๐๐๐๐๐๐ผ/๐๐ ๐๐๐๐๐ฝ๐ผ๐๐ผ.
Go ithobala/ itjontja/chukumisa ke go dirisa seatla sa gago, mo bonneng/bosadi, go rokotsa maikutlo le go baka monate wa thobalo, ka maikaelelo a go ijesa monate, go ikgotsohatsa, le go bรชpisa kgotsa go ritibatsa nopa.
Go tshamekisa bonna jalo go rokotsa maikutlo, motho wa rre a tsogelwe, mme mo tiragalong eo a felele a rota peo ya senna,jalo a kgotsohale.Wa mme le ene fela jalo o dirisa menwana mo bosading, mme ko phelelong a kgotsohale.
Leha go ithobala go itumedisa, ebile go lebega go siame, ka tumelo ya sekeresete go dumelwa ha ele letimone lele mashetla thata, lele ka bakelang motho matlhotlhapelo a tshwana le go ila morobalo wa nnete, le gosa kgotsohadiwa ke thobalo.
Motho yo o tlwaetseng go kgotsohadiwa ke seatla, gase motlhofo a kgotsofadiwa ke serwe sa nnete, sese tshwanetseng. O batla borรดfo jo abo utlwang mo seatleng, mme ka maswabi serwe se eleng sone sa thobalo se soft ebile gase rรดfo jaaka seatla.
Kgantele o tenwa ke mme/rre yo o nnang le ene, gao sa tlhola o bona mosola wa gagwe ka gore serwe sa gagwe ga se go kgotsohatse.
Gape go kaiwa ha letimone la go ithobala leka bulela matimone a mangwe a mashetla phatlha mo botshelong jwa gago, jaaka letimone la ๐บ๐๐๐๐๐/๐บ๐๐๐๐๐๐๐๐, lele ratisang morobalo bobe.
Motho yo o nang le sebeberwa ga ana boitswaro, ebile ga a tlhophe,gaana nyaa mo ganong. Sebeberwa seka nna kgoro ya malwetsi, ditsukatsukano tsa baratani, ditlhalo le dipolaano tsedi amanang le morobalo, go tsietsa jalo jalo.